LETSATSI LA GA KGOSI MOROKA LE TSOSOLOSITSWE KA POROJEKE E E KOPANETSWENG YA NGWAOBOSWA
Letsatsi la ga Kgosi Moroka le ne la tsosolosiwa ke Kgosi Gaboilelwe Moroka gompieno ka porojeke e e kopanetsweng ya ngwaoboswa ka go dirisana mmogo le AfriForum. Porojeke e e kopanetsweng eno e akaretsa ditiro di le tharo. Sa ntlha, lefelo le le dikologileng .Ntlha ya Ba-Voortrekker ka di 2 Sedimonthole 1836, se se leng mo polasing ya Morokashoek, se ne sa etelwa, sa bobedi go ne ga etelwa lebitla la ga Kgosi Moroka II le la motlhatlhami wa gagwe, e leng Kgosi Tshipinare Moroka a go neng ga tlotlwa ka boswa jo ba re tlogeletseng jone mo go one, mme tirwana ya bofelo e e neng ya dirwa e ne ya nna fa AfriForum e ne e abela Kgosi Gaboilelwe folaga ya Barolong Boo Seleka kwa Kgotleng ya Segosi ya Thaba ‘Nchu (bonno jwa semmuso jwa Lelapa la Segosi le jwa puso ya setso ya baagi ba setso).
Barolong Boo Seleka ba Thaba ‘Nchu, ka fa Botlhaba jwa Bloemfontein kwa Porofenseng ya Foreisetata, ba keteka Letsatsi la ga Kgosi Moroka ngwaga le ngwaga ka di 6 Sedimonthole go gopola kgorogo ya baagi ba setso kwa Thaba ‘Nchu ka di 6 Sedimonthole 1833 bao ka nako eo ba neng ba eteletswe pele ke Kgosi Moroka II. Lefatshe leo Bogosi bo neng go theilwe mo go lone le ne la bonwa ka go tshwara ditherisano le Kgosi Moshoeshoe I wa Basotho ka kemonokeng ya barongwa ba ba neng ba tsaya leeto go ya kwa Thaba’ Nchu le Kgosi Moroka II le batho ba gagwe. Konteraka e e neng e na le tshwetso ya bofelo ya gore lefatshe leo e nne la Barolong Boo Seleka e ne ya saeniwa ka di 7 Sedimonthole 1833.
“Ke motlotlo tota go bo ke neilwe tšhono eno ya go tsosolosa Letsatsi la ga Kgosi Moroka mo letsatsing leno jaaka fa Barolong Boo Seleka ba gopola kgorogo ya rona mo Bogosing jwa rona jo bo rategang, jwa Thaba ‘Nchu, dingwaga di le 190 kgo mo letsatsing leno. Boswa jo bogolo jo Kgosi Moroka a re tlogeletseng jone ke botlhale jwa gagwe jwa go bopa boseoposengwe le baagi ba bangwe ba setso le go tlhomamisa gore batho ba gagwe ba tshedisana ka kagiso le tshosologo le baagelani ba bone. Ke gone ka moo go tshwanelang tota go tsosolosa letsatsi leno ka go le gopola ka ditiro tse di lotileng dilo le merero ya ya ngwaoboswa ka go dirisana mmogo le baagi ba setso ba Maaforikanere. Go botlhokwa gore morafe o ikitse le gore o tswa kae, gore ba kgone go dirisa motheo oo go aga isagwe e ba e batlelang bana ba bone. Tsosoloso ya letsatsi leno la go gopola go intsha setlhabelo ga bagologolwane ba rona e tlhomamisa gore ga re latlhegelwe ke boemo jwa rona jaaka boagi jwa setso mo borwa jwa Aforika e bile e tshwantshetsa letsatsi la gompieno la go tsosolosa morafe wa rona ka tebelelo-pele ya gore e nne o o segofetseng le o o kgonang go itlamela, le o o kgonang go laola merero ya rona gape,” go bolela jalo Kgosi Gaboilelwe Moroka, Kgosi ya Barolong Boo Seleka.
“AfriForum e lesego tota go bo e kgona go dirisana mmogo le Barolong Boo Seleka go keteka ngwaoboswa, setso sa rona le boswa jo re bo tlogeletsweng jwa go tshedisana ka kagiso. Morafe wa setso wa Maaforikanere o gopola gore Kgosi Moroka II o ne a boloka botshelo jwa Bafaladi ba Ma Voortrekker ba ga Hendrik Potgieter fa ba ne ba sala ba iphotlhere fela morago ga ntwa (The Battle of Vegkop). O ne a re amogela ka botsalano mme a naya bagologolwane ba rona lefelo le le sireletsegileng mo leetong la bone la go ya go ipatlela lefelo la bone la bonno. Lefelo le a neng a ba naya lone le ne le sireletsegile thata moo re neng ra kgona go tlhopha puso ya rona ya ntlha ka fa ntle ga Kolone ya Kapa ya Borithani mono. AfriForum e leka go aga kgolagano fa gare ga baagi ba setso, ya go amogelana le go tlotlana, ya go tshegetsana. Taolo e ntšha ya go laola morafe e a gola mo gare ga baagi e e nayang baagi ba setso tšhono ya go ikagela isagwe e re e batlelang bana ba merafe ya rona ka go dirisana mmogo mono mo Aforikaborwa,” go bolela jalo Barend Uys, wa Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
“Gape ke itumelela go lo itsise gore ke kgona go dira kitsiso gape gompieno ya gore tsosoloso eno ya Letsatsi la ga Kgosi Moroka ke tshimologo ya dingwaga di le lesome tse di setseng gore re fitlhe kwa moletlong wa rona wa bo makgoloamabedi wa kgorogo ya rona mo Thaba ‘Nchu o, fa Modimo a rata, o o tla ketekwang ka 2033,” Kgosi Gaboilelwe o konotela kobo moroko jalo.