Porojeke ya merogo ya Thaba’Nchu e gaufi le go gweba ka thobo ya bosheng
Porojeke ya merogo kwa lefelong la Noga Post ka kwa ntle ga Thaba’Nchu kwa Foreisetata, e e neng e dirwa ke maloko a morafe, Kgosi (kgosigadi) Gaboilelwe Moroka, AfriForum le Saai, bosheng jaana e tlhagisitse dikilogerama di le 800 tsa dieie. Thobo eno e ne ya rekisediwa metse e e fa gaufi le dikolo, fa tse dingwe tsa dieie tseno di ne tsa abelwa batho ba ba nang le bogole le bagodi mo motseng. Madi a a kgobokantsweng ka go rekisa dijalo tseno a dirisediwa go reka dilo tse di tla dirisiwang mo ngwageng o o latelang wa go jala, mme gape a ne a duela le ba ba nnileng le seabe mo porojekeng eno. Maloko a morafe a ne a le motlotlo gape go bo a kgonne go abela Kgosi Gaboilelwe le Mohumagadi (kgosigadi mmaagwe) Gaongalelwe Moroka dingwe tsa dieie.
Kgosi Gaboilelwe (yo ka nako eo e neng e le tlhogo ya mosadi ya Noga Post), maloko a morafe, AfriForum le Saai ba simolotse porojeke eno ya tlhabololo ya temothuo kwa Noga Post ka 2020. Tshimo ya merogo e e ka nnang diheketara di le 0,75 e ne ya fudusediwa gaufi le maloko a morafe, ya agelelwa ka legora, ya ba ya tsenngwa sediba sa metsi le didirisiwa tsa go nosetsa tse di dirisang maatla a letsatsi, ka gonne kwa tshimologong, e ne e se na didirisiwa tsa go nosetsa e bile e le kgakala le maloko a morafe, ka kwa ga molapo o go neng go sa kgonege go o tshela morago ga dipula tse di maatla.
Le fa tshimo eno e tlhamilwe ka mokgwa o e tlhamilweng ka one le go tsenngwa didirisiwa tsa gore e nne tshimo ya batho botlhe, maloko a morafe ke one beng ba dikarolo tse di rileng tsa tshimo eno e bile ba ikarabela ka tsone. Tsamaiso eno, e mo go yone go nang le bangwe ba e leng beng ba dikarolo tse di rileng tsa tshimo mme go santse go na le tirisanommogo le go tshegetsana, ke gone go atlegisitseng porojeke eno.
Tlhabololo ya temothuo ke karolo e e botlhokwa ya leano la rona la go tokafatsa maemo a botshelo a maloko ano a morafe wa setso wa Barolong Boo Seleka. Ke motlotlo thata ka maloko a morafe ono a a tsayang boikarabelo le go dira ka natla go itirela bokamoso. “Go a itumedisa go bona maloko a morafe mo bogosing jwa rona a biditse pitso ya tirisanommogo e e mosola, go gana go nna batswasetlhabelo, le go itirela bokamoso ka diatla tsa bone,” go bolela jalo Kgosi Gaboilelwe Moroka, Kgosi ya maloko a morafe wa setso wa Barolong Boo Seleka.
Go bona lotseno ka go rekisa dikuno tse di tswang mo porojekeng ke kgato e e botlhokwa mo kgatelopeleng ya go itlamela e e dirwang ke maloko a morafe. Ke tshiamelo go dira le maloko a morafe a a sikarang boikarabelo le go dira ka boineelo go tokafatsa maemo a bone a botshelo”, go bolela jalo Nantes Kelder, e leng Mookamedi wa Bosetšhaba wa Porojeke: wa Dikamano le Tirisanommogo fa Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
“Go nna le seabe ga SAAI mo diporojekeng tsa tlhabololo ya temothuo jaaka eno go remeletse mo go direng metšhine, go dira tiro ka mokgwa wa segompieno le go bula dikgwebo ga balemirui ba ba santseng ba tlwaela mafulo. Go itumedisa tota go bona kafa maloko a morafe a golang le go gatela pele ka teng mo tirong ya go gweba “, go bolela jalo Leon Lourens, Mookamedi wa Tlhabololo kwa Saai.
“Go na le lefatshe le le ntsi le le sa dirisiweng la temothuo le le ka solegelang malokong a morafe molemo thata mo metseselegaeng mo nageng ya rona, mme gape go na le tlhaelo e kgolo ya tsa madi le tshegetso ya bomankge mo diporojekeng tsa tlhabololo ya temothuo. Fano ke fa AfriForum le Saai ba tsenang teng go dirisana le magosi le maloko a morafe gore batho ba maemo a a tlwaelegileng fela e nne bone ba solegelwang molemo, moo go tlhokegang thata gone”, go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano Tsa Ditso Tse di Farologaneng le Tirisanommogo kwa AfriForum.”
Diporojeke tse di kopanetsweng tse di tshwanang le eno, tse di dirwang ka go amogelana le ka go tlotlana, gape di dira gore go nne le go tlhaloganyana, go nne le dikamano tse di siameng le tirisanommogo, e leng dilo tse di botlhokwa go tlhomamisa gore merafe ya rona ya setso e nna le isagwe e e gololosegileng, e e sireletsegileng le e e atlegileng mono mo borwa jwa Aforika,” Uys o konela jalo.